
Leeudoringstad : Kgotlha Tshekelo ya Magistrata ya Leeudoringstad e buseditse kgetsi ya polao kgatlanong le Lazarus Chaka Hambone (38), go 22 Ngwanatsele, go kgobakanga dintlha. Mmueledimogolo wa molatofatswa o kupile kgetse gore e boele kwa morago go tsereganya pele ga kopo ya beile; mme kgotlatshekele e dumetse.
Mmuso o ikaeletse go ema kgatlanong le kopo ya beile, ka mabaka a gore mmelaelwa o kwantle ka parole mabapi le kgetsi engwe ya polao ka 2011.
Mapodise a bega fa Hambone a ne a tshwarwa ka latshipi wa Ngwanatsele a thola matsatsi a le marataro mabapi le polao ya ngwana wa dikgwedi dile tlhano kwa Extension 4, ya Motsesetorop wa Kgakala kwa Leeudoringstad.
Kgabagare sepodise se bega fa Hambone a ne a lwa ka mafoko le setlogolo sa gagwe sa dingwaga dile masomeathataro (16), yo oneng a pepile lesea lwa gagwe lwa mosimane, ka Lamatlhatso wa Ngwanatsele a tlhola malatsi a le matlhano. Mmelaelwa o ne a tswela kwa ntle a galifile a boa a tshotse garawe e a neng a leka go betsa motlogolo ka yone, mme a mo fosa a feleletsa a beditse lesea.
Lesea le ne lwa feleletsa lo tabogeseditswe kwa bookelo potlana ba selegae kwa baneng ba mo potlakisetsa kwa Bookeleong ba Wolmaransstad jo boneng ba fetisetsa kwa Bokelong jwa Tshepong kwa Matlosana; kwa a tlhokafaletseng gone, kantlheng ya dikgobalo tse dimasisi mo tlhogo.
Mmelaelwa o tlile go busetswa kgolegelong go fitlhela a tlhagelela kwa kgotlhatshekelo go kopa beile.